MOTHO YO O NWELANG
  Baroma 5:12: "Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso Iwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe." Setshwantsho sa go timela ga motho, se bontsha go nna kgakala ga motho le Modimo. Se, se bontsha go wa ga gagwe kwa legodimong ka ntlha ya ditiro tsa ga diabolo, "satane", motho o fapositswe, o raetswe, mme kwa bofelong ke boikwatlhao. Ga go ope yo o ka gololang motho mo bothateng jo. O swa loso Iwa basakhutlheng. Bala Genesi 6:5; Dipesalome 53:3; Jesaya 53:6;64:6; Baroma 3:23; 1 Johane 1:8. A o lemoga gore go diragalang ka motho fa a se na Keresete? A o Ineela mo go Jesu Keresete jaaka mogolodi wa gago ka go dumela mo go ene?
 

Indeks     Index