Page 3 - Good News April 2005 paper
P. 3

Ka nna Makgonatshotlhe, ka thuso ya Mowa. Sele 083 458 3837.
          Temana:  Pesalome 112:1-6
          “Haleluya! Go sego monna yo o boifang MORENA, yo ditaolo tsa gagwe di mo
                            2
          kgatlhang  segolo.  Kokomana  ya  gagwe  e  tla  nna  le  thata  e  kgolo  mo
                                                                 3
          lefatsheng; losika lwa ba ba nang le nnete lo tla tshegofala.  Letlotlo le khumo
                                                            4
          di mo ntlong ya gagwe, tshiamo ya gagwe e nnela ruri.  Mosiami o bonegela ba
          ba  nang  le  nnete  mo  lefifing  jaaka  lesedi,  a  le  boitshwarelo  le  boutlwelo-
                             5
          botlhoko le tshiamo.  Go sego monna yo o kutlwelo-botlhoko, a adimana; yo o
                                      6
          dirang tsa gagwe ka tshiamo.  Gonne ga a nke a theekela ka gope; mosiami o
                                   7
          tla nna a gopolwa ka gale.  Ga a nke a boifisiwa ke polelo e e bosula; o iteile
          pelo ka lentswe ka go ikanya Morena.”
          Fa o tsena kwa dikerekeng ka Sontaga o bona fela basadi kwa dikerekeng.
          Banna ba ba leng teng ke moruti fela le mmalwanyana ya bagogi. Setso se
         dirile banna go tshepha maatla a bone. Ba akanya gore fa ba ka ipolela gore le
         bone ba ka se kgone sepe fa Modimo a sa ba thuse, ba tlabo ba sa tlhole ba le
         banna. Ba akanya gore fa ba ka koba mangwele mo pele ga Modimo ba tlabo ba
         bontsha gore ba tlhoka maatla. Ba re: "Nna ke Rapoo, ke poo nna. Ke na le
         maatla mme ke rre wa lelapa. Ke nna senatla, ke ka se fengwe ke sepe."
         Ntate, rre, gompieno ke batla go go botsa gore o tswa kae? O bopilwe ke mang
         fa e se Modimo a go bopileng? Modimo o simolotse batho ba mo lefatsheng ka
         go bopa Atama mme le wena o dirilwe ke Modimo. Setso se dirile banna go nna
         thata. Ba bangwe e bile ba re banna ga ba lele. Banna ba tshwanetse go nna
         thata. Fa o le monna ga o a tshwanela go lela. Monna ga a a tshwanela go apara
         borukgwe  bo  bokhutswane.  Monna  ga  a  a  tshwanela  go  ja  le  bana.  Nka
         tswelela fela jalo go bua setso se se dumelwang gore sa reng. Se ke batlang go
         go botsa ntate ke gore:"A wena o dumela setso go feta Beibele jaanong?"
         Utlwa fela gore ditemana tsa Pesalome 112 di a reng. Ke batla go tsenya gape
                                    13
         le ya Bafilipi 4:13 e e reng: “ Tsotlhe ke di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e
         bong Keresete.”
         Wena o akanya gore batho ba tla go nyatsa fa o bolela ka molomo gore o
         tshepha Modimo. O akanya gore ga o ye go amogela tlotlo ya banna le ditsala
         tsa gago fa o koba lengwele fa pele ga Morena Jesu. Fa o ka simolola go
         dumela mo Modimong mme o dira se Ene a go se kopang o ka makalela dilo tse
         di ka diragalang mo bophelong jwa gagwe. E tlabo e sa tlhole e le wena o
         lekang go direla lelapa la gago, e tlabo e le Modimo a go fang maatla gore o
         direle lelapa la gagwe. O tlabo o sa direle go amogela tlotlo ya batho, Modimo o
         tla  dira  gore  o  tlotliwe  ke  bone.  Ntle  ga  tshegofatso  ya  Morena  tsotlhe  di
         lefelafela. Simolola o direle Modimo mo bophelong jwa gagwe. Utlwa fela gore
         Pesalome ya 127 ya reng: “Fa Morena a sa age ntlo, baagi ba yona ba tla bo ba
         itapisetsa lefela; fa Morena a sa dise motse, modisa o tla bo a itlhobaeletsa
                2
         lefela.  Ke lefela, fa lo tsoga phakela, lo itima boikhutso, lo ja dijo tsa matsapa;
         gonne Morena o tla naya baratwi ba gagwe ba ntse ba robetse.”
         Ga ke re o sa tlhole o dira mme ke go rapela gore o simolole go rata Modimo.
         Ene a ka simolola go go tshegofatsa go feta le ditoro tsa gago.
         Thapelo: Morena Modimo gompieno ke ipolela gore le nna ke a go tlhoka mme
         ke a go boifa. Ke kopa le nna gore o mphe maatla le thuso gore le nna ke nne
         ngwana wa gagwe gore se se kwadilweng mo Pesalome ya 128 se netefale le
         mo bophelong jwa me fa se re: “A Morena a go tshegofatse a le mo Sione, gore
         o bone letlhogonolo la Jerusalema ka malatsi otlhe a bophelo jwa gago, o be o
         bone le bana ba bana ba gago! A kagiso e nne le nna.  AMEN.”
         Monna yo a ka leetsang mogala mo go nna a ka amogela mpho ya Beibele.  Ga
         ke arabele “call me”  Leetsa mogala mme mpho ya Beibele ke ya gago.
         Johan Zerwick.
   1   2   3   4   5   6   7   8